Ke ntse le lebeletse Morena,
Go ikhutsa maotong a gagwe.
Gaufi le ene gore ke rutwe.
Gore moya wa ka o gomotswe.
Poelelo:
Go monate, go monate,
Go nna maotong a Jesu,
Go monate thata,
Go rutwa ke Jesu.
Boitumelo bo teng go ene,
Le pholo e e itekanetseng
E e tswang mading a itshekisang,
A a tswang letlhakoreng la gagwe.
Ntaele Jesu go re ke eme,
O mpontshe tsela e e siameng.
Nketelle pele Mmoloki wa ka.
Ke se fapoge mme katimela.