Modimo wa boikanyo,
Re ikanya mo go Wena;
O gogile borraetšho
Mo dinageng tsa lenyora.
Mme re lopa ka tlhoafalo
Matshego a ba a bonyeng;
O nne Modimo wa rona,
Mothusi mo tshikatshikeng.
Mo ditseleng tsa botshelo
Goga dikgato tsa rona;
Re tle re fitlhe kwa O teng,
Legaeng je re le batlang.
Re femele mo diphatseng,
Re se digelwe ke sepe,
Re nee se re se tlhokang,
Dijo le tse di aparwang.
Thušo e re a e lopa
Mo botlalong jwa gago Rra;
Mme re tla go itshenkela,
Re go direle ka metlha.