Tsogang tlhe phuthego!
Lo robaletseng ne?
Ga lo utlwe moya,
O o gakgamatsang,
Mo lefatsheng leno,
Motho o dirang, ne?
Mogomotsi o teng.
Poelelo:
O tlile mo lefatsheng,
O tswa legodimong,
Mme o itshekisa
Tsotlhe mo dipelong.
A re ineele
Re nne baitsheki,
Mogomotsi o teng.
Bonang bagaetsho,
Tshologong ya Moya,
Go a galalela,
Go go sweusweu.
Kwa Jerusalema,
Go a tumisiwa.
Mogomotsi o teng.
O na le rona fa,
Tlaang masika otlhe,
A re tshwitifaleng,
Re be re felele
Ke yo Mogomotsi
A re ineeleng,
Mogomotsi o teng.
Le gona kajeno
Fa re tlhoka thata
O tla re tlhapisa,
Mme re galalele.
Tsoga tlhe le wena,
O mmatle ka pele,
Mogomotsi o teng.